Bosigo jo bo itshepileng (SETSWANA / TSWANA)
Translated by: Opelo Thole


‘Sigo jo bo itshepileng
Tsotlhe di sisibetse
Mme wa lekgarejane le Ngwana
Lesea le boitshepo le bonolo
Robala kagisong ya selegodimo
Robala kagisong ya selegodimo

‘Sigo jo bo itshepileng,
Badisa ba a roroma ke pono eno.
Dithoriso kgakala legodimong,
Baengele ba opela Haleluya;
Kereste Mogolodi o bonwe;
Kereste Mogolodi o bonwe.

Bosigo jo bo itshepileng,
Morwa Modimo, lesedi tota la lorato.
Kgalalelo e benya ‘fatlhegong se boitshepo,
Ka tshwaro e re e lefelwang.
Jesu, Morena, tsalong jwa’go;
Jesu, Morena, tsalong jwa’go.

 


Return to Homepage
Return to homepage